Dibuka tsa Ditshwantsho ka Setswana

Flip, Flippie le Ditsala ke motseletsele wa dibuka tsa ditshwantsho tsa thuto ya bana ba bannye tse di tla thabisang le go ruta bana botlhe ba Aforikaborwa. Dibuka di diretswe go ngoka bana mo go diriseng kakanyo le boithabiso fa go ithuta e le karolo ya maitemogelo a go nna jalo. Bana ba ithuta ka go boeletsa, go kgatlhegela le go tsaya karolo. Motseletsele o akaretsa dikakanyo tse tsotlhe tsa go ithuta mme o tumile mo go balaeborari, barutisi le batsadi.

1-2-3 ka Flip, Flippie le Ditsala

1-2-3 ka Flip, Flippie le Ditsala

Mo go 1-2-3 Flip tsena mmogo le Flippie le Ditsala mo maitemogelong a mašwa a go bala, mme go na le ditsala tse dintsi tse di kgethegileng tse di tsayang karolo mo motshamekong.

Dipopego le Mebala ka Flip, Flippie le Ditsala

Dipopego le Mebala ka Flip, Flippie le Ditsala

Mo go Dipopego le Mebala Flip o anela leinane le le monate le le akaretsang go buisana le go dirisana le ba bangwe, a itsise Flippie le Ditsala ka ga dipopego le mebala, tse ba kgonang go di lemoga mo matshelong a bone a letsatsi le letsatsi.

Ditlha ka Flip, Flippie le Ditsala

Ditlha ka Flip, Flippie le Ditsala

Mo go Ditlha Flip o tlhalosa bontle le monate wa Ditlha tse nne fa a ntse a tsweletse go itsise maina a dikgwedi tse somepedi tsa ngwaga.

Malatodi ka Flip, Flippie le Ditsala

Malatodi ka Flip, Flippie le Ditsala

Mo go Malatodi Flip o tshameka motshameko o mongwe le Flippie le Ditsala tsa gagwe a ba gwetlha go batla sebedi.

Nako ka Flip, Flippie le Ditsala

Flip o itsise Flippie le Ditsala kakanyo ya nako ka go bontsha ditirwana tsa letsatsi le letsatsi mo tshupanakong.

Boitekanelo ka Flip, Flippie le Ditsala

Flip o ruta Flippie le Ditsala se ba tshwanetseng go se dira gore ba nne ba itekanetse.

Metsi ka Flip, Flippie le Ditsala

Setlhogo ka ga Metsi se ruta bana gore a botlhokwa go le kana kang mo matshelong a rona, gore ke goreng re a tlhoka, le gore re ka a boloka jang.

Maikutlo ka Flip, Flippie le Ditsala

Flip o sekaseka Maikutlo a rona a na le Flippie le ditsala tsa gagwe, a ba thusa go itse maina a one le go a itsise ba bangwe.

Dikarolo tsa botlhokwa tsa motseletsele di akaretsa:

  • Go nna le ponalo e e kgatlhisang
  • E ikaelela go fitlhelela ditlhopha tse di farologaneng tsa dingwaga (dingwaga 4 – 7)
  • Diteng tsa tlhotlheletsano ya botsayakarolo
  • E thusa puo le tlhamo ya dikgopolo
  • Go ka dirisiwa dipuo tse di farologaneng mo go ithuteng puo ya bobedi kgotsa ya boraro ka tsela e e se nang matshosetsi

Ela tlhoko: Dibuka tse di ka dirisa teme (puo) e e farologaneng go se kae le ya babuisi bangwe.